ENGLISH

Bridges of Hope ke lekalana la Sekeresete le le itegantseng le itsholelo ya batho mo Kgaolong ya Ghanzi, Botswana. Re itebagantse le go tlhaboloa kitso ya banana, le go bua ka maitsholo le tlhokomelo ya dikhutsana le bana ka kakeiretso ba e tsogang e le bokamoso. Tebelopele ya rona ke go bona Kgaolo ya Ghanzi e gololesegile mo mogareng wa HIV/AIDS.

E simolotse e lekalana la Kereke ya Reformed, jaanong Bridges of Hope e tlile go thusa go fema mmaba HIV/AIDS ka go supegetsa morafe ditselana tse ka tsone ba ka fenyang botlhoki. Jaaka e le lekalana le le lwantshang mmaba HIV/AIDS, ga go tihokafale gore batho ba bo ntse ba fiwa molaetsa ka tsa tlhakanelo dikobo fela, Bridges of Hope e fa dithuso tse di farologaneng. E thusa ka kgakololo fa motho a batla go simolola kgwebo potlana, tiro ya diatla mo bananeng, dikogakololo le dithuso ko go ba tlogetseng sekolo le go thusa batho ka ditshwanelo tsa bone le tsa bongaka (go bona gore thuso e e lebaneng mabapi le thuso ya bongaka).

Tseeku Family

Lolwapa la ga Tseeku

Fa e le lwa ntlha Bridges of Hope e kopana le Mma Tseeku o ne tlhokomela ngwana wa gagwe e bong Qane yo o neng a le dingwaga di masome a mabedi le bobedi. Quane o ne a lwala thata a gateletswe ke bolwetse jwa HIV/AIDS. Bridges of Hope e ne ya mo thusa ka mosepele go mo isa le go mmusa ko sepateleng go fitlheleleng a bo a robadiwa. Omang wa ga mmaaqwe Qane o ne a se mo tirosong. Bridges of Hope e ne ya mo thusa go dira Omang yo o mo tirosong. Morago ga malatsi Qane o ne a gatelelwa ke bolwetse, a le ko tlase thata mo o neng a felela a tlhokafetse, a tlogela losea la dingwaga tse nne. Bridges of Hope e ne ya thusa ba lelwapa ka stlankana se se supang gore moswi o tlhokafetse. Morago ga go kwadisiwa Axhara, yo o leng Khutsana. Jaanong Axhara o na le tshwanelo nngwe le nnwge e e tswang mo ga Goromente tebang le dikhutsana.